album cover
Tshimologong
257
World
Tshimologong was released on July 11, 2001 by Original Music Records as a part of the album Lwantshang Borukutlhi (Original)
album cover
Release DateJuly 11, 2001
LabelOriginal Music Records
Melodicness
Acousticness
Valence
Danceability
Energy
BPM119

Credits

PERFORMING ARTISTS
Alfredo Mos
Alfredo Mos
Guitar
COMPOSITION & LYRICS
Alfred Mosimanegape
Alfred Mosimanegape
Composer
PRODUCTION & ENGINEERING
Alfredo Mos
Alfredo Mos
Vocal Producer

Lyrics

Tshimolong
Tshimologong Modimo
o bopile dilo tsotlhe
Ka Lefoko a bopa
Legodimo le Lefatshe
A leba Lefatshe a bona
le sena popego e ntle
Ka lefoko a re a go nne
lewatle dithaba le dimela Ka lefoko digagabi le diphologolo tsa nna teng Ka lefoko a re a go nne bosigo le motshegare
Ka lefoko Modimo o bopile tse di molemo tsotlhe
A tloga a tsaya mmu a bopa Motho
Motho o bopilwe mo setshwanong sa Modimo A fiwa botlhale go feta
dibopiwa tsotlhe tsa Modimo. A newa thata ya go okamela tsotlhe lefatsheng
A newa thata ya go fa tsotlhe lefatsheng maina mme motho ga a diragatsa ditaelo tsa Modimo
O letleletse dikeletso go mo kgaoganya le Modimo ka a ne a batla go tshwana le Modimo ka Botlhale. Modimo a tseela motho kgato ka ntlha ya bokgopo
A mo ntsha mo tshimong ya gagwe ya Eden. Motho a tshwanelwa ke go
tshela ka mohuhutso wa phatla ke moo go mo rutileng borukutlhi le bokebekwa
Lefufa letlhoo ya nna chaka ya gagwe
e o a lekang go fenya mathata a botshelo ka yona Motho o ne a neilweng tsotlhe ke Modimo botshelong
Mme motho ga aka a kgotsofalela tseo tsotlhe.Le gompieno
ga go yo o ka kgotsofatsang motho. Lefa o ka mo neela tsotlhe botshelong ja gagwe. Ga a kitla a kgotsofalela tsotlhe
tse o di mo diretseng
Written by: Alfred Mosimanegape
instagramSharePathic_arrow_out􀆄 copy􀐅􀋲

Loading...