Lyrics

Morena Thuso tsa gago Fa ke di gopola tsotlhe O molemo le tlotlego O ntsamaisitse sentle O mpolokile boseeng Mo dipoitshegong tse dintsho Ke e se ke itse ke eng O nkitsile Wena Jesu Go foseng ga bosa jwa me Ditlalelong le ditekong Le dintweng tsa dikeletso O itirile rre le mme Tlaleng O mphile bogobe O nkokile ke bobola Gantsi ke ledile bobe O nkgomoditse ka metlha Thuso tsa go ga di balwe Ke go leboga ka tsona Rato lwa gago lo bakwe Ke bana ba gago botlhe Thuso tsa go ga di balwe Ke go leboga ka tsona Rato lwa gago lo bakwe Ke bana ba gago botlhe
Writer(s): Medupe Seane Lyrics powered by www.musixmatch.com
instagramSharePathic_arrow_out